Hebrews 10

Botlhokwa jwa madi

1Tsamaiso e kgologolo ya melao ya Sejuta e ne e supa fela moriti wa dilo tse di molemo tse Keresete a neng a tlaa re di direla. Ka fa tsamaisong e kgologolo ditlhabelo di ne di boelelwa gantsi, ngwaga le ngwaga, mme le fa go ntse jalo di ne tsa seka tsa boloka ba ba neng ba tshela ka fa tlase ga melao ya tsone. 2Fa e ne e le gore di ne di ka kgona, setlhabelo se le sosi fela se ka bo se ne sa lekana; baobamedi ba ka bo ba ntlafaditswe gangwe fela, le go itlhobaelela ga bone go ka bo go ne ga nyelela.

3Mme go ne ga diragala ka tsela e sele: ditlhabelo tsele tsa ngwaga le ngwaga di ne tsa gakolola kaga go tlhoka theetso ga bone le molato wa bone mo boemong jwa go lapolosega ga mewa ya bone.

4Gonne ga go kgonege ruri gore madi a dipoo le dipodi a tlose dibe.

5Ke gone ka moo Keresete o rileng a tla mo lefatsheng a bua a re, “Modimo, madi a dipoo ga a kake a go itumedisa, jalo o mpaakanyeditse mmele o wame go o baya e le setlhabelo mo sebesong sa gago. 6Ga o a itumedisiwa ke ditlhabelo tsa diruiwa, tse di neng di bolawa di bo di fisiwa fa pele ga gago e le ditshupelo tsa boleo. 7Mme ka bua ka re, ‘Bona, ke tletse go dira thato ya gago, go ntsha botshelo jwa me setlhabelo, fela jaaka Dikwalo di boletse gore ke tlaa dira jalo.’ ”

Re siamisiwa ka loso lwa ga Keresete

8Erile Keresete a sena go bua jaana, ka go tlhoka go itumedisiwa ke ditlhabelo tse di farologanyeng, le ditshupelo tse di batlwang ka fa tsamaisong e kgologolo, 9a oketsa a bua a re, “Ke fano. Ke tletse go ntsha botshelo jwa me setlhabelo.” O tlosa tsamaiso ya pele ka go rata e e botoka e e itekanetseng. 10Ka fa leanong le lesha le, re itshwaretswe ra bo ra ntlafadiwa ke Keresete ka go re swela gangwe fela. 11Ka fa kgolaganong e kgologolo baperesiti ba ne ba ema fa pele ga sebeso malatsi otlhe ba ntsha ditlhabelo tse di neng di ka seka tsa phimola dibe tsa rona. 12Mme Keresete o ne a ineela Modimo go tswa setlhabelo sa dibe tsa rona e le sone setlhabelo fela sa nako yotlhe, mme erile morago ga moo a nna fa fatshe mo lefelong la tlotlo e kgolo ka fa letsogong la Modimo le legolo, 13a letile baba ba gagwe go bewa ka fa tlase ga dinao tsa gagwe. 14Gonne ka sone setlhabelo seo, o ne a dira botlhe boitekanelo fa pele ga Modimo, botlhe ba o ba itshepisang.

15Mme Mowa O O Boitshepo o supa gore go ntse fela jalo, gonne o rile,

16“Se ke kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraela, le fa ba ne ba senya kgolagano ya pele: ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba itse thata ya me ka gale, gape ke tlaa tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone gore ba tle ba rate go e obamela.” 17Mme morago wa oketsa wa re, “Ga ke kitla ke tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone le ditiro tsa bone tse di maswe.”

18Jaanong, fa dibe di itshwaretswe ruri ebile di lebetswe, ga go tlhokege go ntsha ditlhabelo tse dingwe go di phimola.

Tsela e ncha

19Jalo ba gaetsho ba ba rategang, jaanong re ka tsena mo teng ga Boitshepo jwa Maitshepo kwa Modimo o leng teng, ka ntlha ya madi a ga Jesu. 20Se ke tsela e e itekanetseng, e ncha, ya go fa botshelo, e Keresete a e re buletseng ka go gagola sesiro, ebong mmele wa gagwe wa setho, go re letla go tsena fa pele mo kgalalelong ya Modimo.

21Mme ka Moperesiti yo mogolo yo wa rona a laola tsa ntlo ya Modimo, 22a re tseneng mo teng, kwa Modimong tota ka dipelo tse di boammaaruri di mo ikanya gotlhelele go re amogela, ka ntlha ya gore re kgatshitswe ka madi a ga Jesu go re ntlafatsa, le ka ntlha ya gore mebele ya rona e tlhatswitswe ka metsi a a phepa.

23Mme re ka solofela poloko e Modimo o e re solofeditseng. Ga go tlhole go na le sebaka sa pelaelo, ebile re ka bolelela ba bangwe gore poloko ke ya rona, gonne ga gona pelaelo gore o tlaa dira se o se buang.

24Mme mo go dumalaneng le tsotlhe tse a re di diretseng, a re tlhotlheletsanyeng mo go thusanyeng le mo go nneng bopelonomi yo mongwe mo go yo mongwe le mo go direng bomolemo.

25A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela.

26Fa mongwe a leofa ka bomo ka go gana Mmoloki a sena go itse boammaaruri jwa boitshwarelo, sebe se ga se tlosiwe ke loso lwa ga Keresete; ga go na tsela e se ka tlosiwang ka yone. 27Ga go na sepe se se ka solofelwang morago ga go dira jalo fa e se katlholo e e setlhogo ya bogale jo bo tshosang jwa Modimo jo bo tlaa nyeletsang baba botlhe ba One. 28Motho yo o neng a gana go obamela melao e e neng e ntshiwa ke Moshe o ne a bolawa kwa ntle ga kutlwelo botlhoko fa go ne go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba supa molato wa gagwe.

29A o ko o akanye gore kotlhao e e setlhogo e tlaa wela go le kae ba ba gatakileng Morwa Modimo ka dinao, ba bo ba kaya madi a gagwe a a ntlafatsang jaaka ekete ke selonyana fela a bile a se boitshepo, ba bo ba tlhapatsa ba gakatsa Mowa O O Boitshepo o o lereng kutlwelo botlhoko ya Modimo kwa bathong ba One.

30Gonne re a mo itse yo o rileng, “Pusoloso ke ya me; ke tlaa ba duela;” yo gape o rileng, “Morena ka sebele o tlaa atlhola batho ba gagwe”.

31Ke selo se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang.

32Lo seka lwa ba lwa lebala malatsi ale a a molemo a lo neng lwa simolola go ithuta kaga Keresete mo go one. Gakologelwang ka fa lo neng lwa itshegeletsa ka teng mo Moreneng le fa go ne go raya pogiso e e boitshegang. 33Ka dinako tse dingwe lo ne lo tshegwa lo bo lo itewe, mme ka dinako tse dingwe lo ne lo tle lo lebelele lo bo lo utlwele ba bangwe botlhoko ba boga jaaka lona. 34Mme lo bogile le ba ba tlhatlhetsweng mo dikgolegelong, ebile lo ne lwa itumela fa lo tseelwa tsotlhe tsa lona, lo itse gore dilo tse di botoka di lo letile kwa legodimong, dilo tse di tlaa nnelang tsa lona ruri.

35Se letleng gore go ikanya Morena ka boitumelo mo, go swe, ga go re sepe gore go diragalang. Gakologelwang tuelo ya lona!

36Lo tlhoka go tswelela ka bopelotelele lo dira go rata ga Modimo fa e le gore lo batla gore o lo direle tsotlhe tse o di lo solofeditseng.

37Go tla ga gagwe ga go kitla go diega. 38Mme ba tumelo ya bone e ba siamisitseng mo ponong ya Modimo ba tshwanetse go tshela ka tumelo, ba o ikanya mo dilong tsotlhe. E seng jalo, fa ba gonyela, Modimo ga o kitla o ba itumelela.

39Mme ga re ise re ke re furalele Modimo ra bo ra thibela tshenyego ya rona. Nnyaa, tumelo ya rona mo go One e tlhomamisa poloko ya mewa ya rona.
Copyright information for TsnLEF